INDEPENDENT POLICE INVESTIGATIVE DIRECTORATE
-e na le dithata tsa go tlhotlhomisa dingongorego tse di tshwanang le goswela ga bagolegwa mo diatleng tsa sepodisi mmogo le ditiro tsa bobodu kgatlanong le mapodisi.
PUBLIC PROTECTOR
-o na le dithata tsa go batlisisa tsamaiso e e sokameng,tiriso e e botlhaswa ya dithata,go tlhoka boikanyego le go ikhumisa go se yeng ka molao ga badiredi ba puso kgotsa ditheo tse di amanang le puso.
HUMAN RIGHTS COMMISSION
-e na le dithata tsa go batlisisa dingongorego tsotlhe tse di amanang le bosemorafe,ga mmogo le kgatako ya ditshwanelo tsa botho.
COMMISSION FOR GENDER EQUALITY
-e tlhotlhomisa dikgatako tshotlhe tse di amanang le tekatekano ya bong
Re tla thusa jang ka ngongorego ya gago:
Batlhankedi ba lefapha ba tla tlhotlhomisa ngongorego ya gago kgotsa ,Mokomisenara wa sepodisi mo porofenseng o tla kopiwa go tlhotlhomisa.Mongongoregi o tla itsesiwe kgwedi le kgwedi ka mo ditlhotlhomiso di tsamayang ka teng.