Latest News

27 June 2018
DIKARAKI DI NEELWA BAAGI BA KWA MADIBE-A-MAKGABANE BA BA TLHOKANG DIPALANGWA GO TOKAFATSA MATSHELO A BONE

Di kilometara tse some a mararo kapa go feta kwa ntle ga toropo ya Mahikeng, mo mmileng wa N18 go ya Vryburg, go motse-selegae o bidiwang Madibe-a-Makgabane. Ke motse o kgakajana le toropo, dipalangwa tsa botlhe di a tlhokega, gape o kgakala le ditirelo tsa puso. Bontsi jwa baagi ba motse ono ba santse ba le mo lehumeng, basha ba sa direng mme bontsi jwa baagi ba ikaegile thata ka tsa temo le leruo go iphidisa. Bangwe ba baagi ba dira jaaka barobisi mo dipolaseng tse di mabapi le bone.

Lefapha la Tshireletso ya baagi le Tsamaiso ya Dipalwangwa le bone go le botlhokwa go abela baagi ba dikaraki tse di gogiwang ke ditonki kapa dipitsi. Kabelano e ya di karaki, ke ngwe ya mananeo-tema a lefapha le a tsenyang tirisong go atisa tiriso ya dikolotsana tse di sa dirising lookwane (Non- Motorised Transportation). Mme seno ke maiteko a go thusa go tlhofufatsa matshelo, motsamao, le kgolagano ya baagi.

Ka tsereganyo e, baagi ba tla kgona go fitlhelela ditirelo di tshwana le go ya mafelo a dikamogelo tsa katlaatlelo loago bobebe, ba tla kgona go go ya nokeng, morakeng, dipolaseng, go rwalela dikgong le go ya bookelong ka bofefo.

Bagodi ba ba dulang kgakala le ditirelo, ba ba nang le bokoa jwa mmele, ba ba bobolang le ba ba dikobo dikhutshwane ba ne ba senolwa ke kgosi Tawana le morafe, ele bone ba ba tlhokang go abelwa dikaraki tse, ka ntlha ya seemo le maemo a ba iphitlelang bale mo go ona.

Kgosi Tawana wa Motse o wa Madibe-a-Makgabane, o ne a itumetse thata ka lenaane-tema le. ''Ke lebogela puso ya Bokone Bophirima le lefapha la ga Mokhuduthamaga Motlhabane fa le ile la bona go tshwanela go tlola metse le metsana mme a re neela tlotla le seriti sa go neelwa ditirelo ke puso. Baagi ba motse wa me ka kakaretso le malapa a a neetsweng dikaraki tse ba itumetse, ba leboga ebile ba akgola tiragatso e ya lefapha. Se se tla thusa thata mo go nolofatseng matshelo a baagi’’.

Ga se fela Kgosi Tawana yo a bontshitseng boitumelo jo, le baagi ba motse ba ne ba thuntshitse lerole ka medudutsane le melodi ya boitumelo. Mongwe wa baamogedi ba dikaraki, Rre Jacob Kgwadibane a re o leboga fa lefapha le sa lemoga fela ditlhokego tsa bone lo bo lo nyelela, mme ba bona go le mosola go ba thusa. ''Re solofetsa go tlhokomela dikariki tseno sentle le go dirisa maele a re a amogetseng gompieno ka ga tiriso e mosola ya dikolootsana tse''.

Rre Morule, motsamaisimogolo wa lefapha la Tshireletso ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa, o konotetse neelano e ya ditirelo go baagi ka gore; ''ke maikarabelo a lefapha go tlisa ditirelo tse di tla nolofatsang matshelo a baagi le go ba tswela mosola. Mme ke maikarabelo a baagi gore fa ba bone ditirelo le di diriswa, ba di tlhokomele, ba di dirise maleba mme ba di somarele.

Bokhutlo

Next Articles+






PUBLIC ENTITIES


MEC Dr MOKGANTSHANG "MPHO" NICHOLAS MOTLHABANE



HOD Ms Botlhale Mofokeng

imageslideshow

You are visitor no: